Afrika Ikalafe Shrine
08/05/2022Donation
21/09/2022BOTSHE JWA PUO: Dingwao, Diane le Maele a Setswana
R130.00
Author: Boitumelo Motsei
Mo bukeng e, mokwadi o rotloetsa mmadi go ithuta le go ipela ka molodi wa puo ya Setswana. Diane tse di mo bukeng e di mmalwanyana fela, ga di wetse puo. Di baya motlhala le motheo wa botshe jwa puo ya segarona. Ka jalo, o rotloediwa go buisa bukana tse dingwe go oketsa kitso ya gago. Puo ya gaeno ke lehumo la bokhukhu.
“Botshe jwa Puo ke letlotlo, ke tsela ya go tlhalosa lefatshe le maisakategang a lona. Ke matlho a go bona, ke kgetsi ya kitso. Buka eno ya re mo go rona, “Aforika bula matlho, reetsa, ithute, tshela” Sabata-mpho Mokae, mokwadi le motlhatlheledi, Sol Plaatjie University
“Ka mafoko a ga mokwadi, Mmaarona, Nkoko Boitumelo Motsei, fa a tlhalosa matlhomola a go latlhega ga ditso tsa Moaforika. A sa bue fela. O bua ka dilo a di itse, a tshedile mo go tsona. A o ne o itse gore ga twe, “E se nang ngwana e lomelwa ke mogoloa-yona” Ikutlwele BOTSHE JWA PUO”
Prof Shole Shole, mokwadi, mosekaseki, motlhatlheledi.
Delivery within 5 -10 working days